John 16

Tiro ya Mowa O O Boitshepo

1“Ke lo boleletse dilo tse gore lo seka lwa etsaetsega (ka ga dilo tse di kwa pele). 2Gonne lo tlaa kgaolwa mo matlung a thuto, mme tota lobaka lo, e tla nna lo ka lone babolai ba lona ba tlaa gopolang gore ba dira tiro ya Modimo. 3Se ke ka ntlha ya gore ga go nako epe e ba kileng ba itse Rara le fa e le nna. 4Ee, ke lo bolelela dilo tse gompieno gore e tle e re di diragala lo tlo lo gakologelwe gore ke lo tlhagisitse. Ga ke ise ke ko ke lo bolelele le fa e le sepe gonne ke ne ke tsile go nna le lona ka lobaka lo lo leejana.

5“Mme jaanong ke a tsamaya ke boela kwa go yo o nthomileng; mme go bonala fa e le gore ga go na ope wa lona yo o nang le kgatlhego mo lebakeng la go tsamaya ga me; le fa e le ope ga a hakgamale. 6Mo boemong jwa go dira jalo lo tletse bohutsana fela. 7Mme boammaaruri ke gore, go lo solegela molemo fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a na go tla. Fa ke tsamaya, o tlaa tla, gonne ke tlaa mo romela kwa go lona.

8“Mme fa a sena go tla, o tlaa senolela lefatshe boleo jwa lone, le gore tshiamo ya Modimo e teng, le kgololo mo katlholong. 9Boleo jwa lefatshe ke go sa dumeleng mo go Nna; 10mme tshiamo e teng gonne ke ya kwa go Rara mme ga lo na go tlhola lo mpona gape; 11go na le go gololwa mo katlholong gonne kgosana ya lefatshe leno e setse e bile e atlhotswe.

12“Oo, go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse ke batlang go di lo bolelela, mme ga lo ka ke lwa di tlhaloganya jaanong jaana. 13Fa Mowa O O Boitshepo, o e leng boammaaruri, o tla, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe, mme o tlaa bo o sa bue mafoko a one; mme o tlaa bo o lo bolelela se o se utlwileng. O tlaa lo bolelela kaga dilo tse di tlaa tlang. 14O tlaa nkgalaletsa a bo a nteretse tlotlo e kgolo ka go lo bontsha kgalalelo ya me. 15Kgalalelo yotlhe ya ga Rara ke ya me; ke sone se ke se rayang fa ke re o tlaa lo supegetsa kgalalelo ya me. 16E tlaa re fela mo lobakanyaneng morago ga moo, lo tlaa mpona gape!”

Jesu o gomotsa barutwa ba gagwe

17
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 16:18.
18
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 16:17-18.
Mme bangwe ba barutwa ba gagwe ba re, “A reng? Ke eng se a se rayang fa a re ke ya kwa go Rara? Rona ga re tlhaloganye se a se rayang.”

19Jesu a lemoga gore ba batla go mmotsa, mme a ba botsa a re, “A lo ipotsa se ke se rayang? 20Lefatshe le tlaa itumela thata kaga se se tsileng go ntiragalela, mme lona lo tlaa lela. Mme e tlaa re ka bonako selelo sa lona se fetoge boitumelo jo bogolo (fa lo mpona gape). 21E tlaa bo e le boitumelo jo bo tshwanang le jwa mosadi a le mo ditlhabing fa a tshola ngwana wa gagwe, hong ditlhabi tse di lebalwe gotlhelele. 22Gompieno jaana lo futsafetse, mme ke tlaa lo bona gape, mme lo tlaa itumela, mme ga gona ope yo o ka lo tseelang boitumelo joo. 23Ka nako eo ga lo na go tlhokana le go nkopa sepe, gonne lo tlaa bo lo ka tlhamalalela kwa go Rara go mo kopa, mme o tlaa lo naya se lo tlaa bong lo se kopa gonne lo tlaa bo lo dirisa leina la me. 24Ga lo ise lo ke lo leke go dira jaana pele, (mme simololang gompieno). Kopang, lo dirisa leina la me. Mme lo tlaa amogela, mme senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa. 25Ke buile kaga dilo tse ke itisitse mo puong, mme nako e tlaa tla fa go itisa mo puong go tlaa bo go sa tlhokege mme ke tlaa lo bolelela sentle thata gotlhe ka ga Rara. 26Mme lo tlaa lere dikopo tsa lona ka leina la me! Mme ga nkitla ke tlhoka go kopa Rara go lo naya dikarabo tsa dikopo tse, 27gonne Rara ene o lo rata fela thata ka gore lo a nthata ebile lo dumela gore ke tsile ke tswa kwa go Ene. 28Ee, ke tsile ke tswa kwa go Rara fa ke tla mo lefatsheng, mme ke tlaa tswa mo lefatsheng ke boela kwa go Rara.”

29Mme barutwa ba gagwe ba re, “Jaanong o bua sentle thata, eseng ka diane. 30Jaanong re tlhaloganya gore o itse sengwe le sengwe ebile ga o tlhoke ope go go bolelela sepe. Jaanong ka ntlha ya one mabaka a, re dumela gore o tsile o tswa kwa Modimong.” 31Mme Jesu a ba raya a re, “A jaanong lo dumela se ke se buang? 32Mme lobaka lo e tla, le gone tota lo setse lo fitlhile, fa lo tlaa phatlalala, mongwe le mongwe a boela kwa legaeng la gagwe, a ntlogela ke le nosi. Le fa go ntse jalo ke tlaa bo ke se nosi, gonne Rara o na le nna. 33Ke lo boleletse mo gotlhe gore lo tle lo nne le kagiso mo mogopolong le mo pelong. Lo tlaa nna le meleko e mentsi le dikutlobotlhoko fano mo lefatsheng; mme lo itumele thata, gonne ke fentse lefatshe.”
Copyright information for TsnLEF